Pholisi ya puo mo setheong le leano-puo

Transcript

Pholisi ya puo mo setheong le leano-puo
PHOLISI YA PUO YA MO SETHEONG LE LEANO-PUO, LE MEKGWA-TSAMAISO YA GO E TSENYA TIRISONG1
DIPHALANE 2012
9.1
PHOLISI
YA PUO
9.1.1
PHOLISI
YA PUO
9.1.2
PHOLISI
YA PUO
9.1.3
GO RUTA LE GO ITHUTA LE TEKOLO
MELAOMETHEO YA PHOLISI YA PUO
1. Go tokafadiwa ga tsela ya go fitlhelela thuto le go atlega go tswelela pele e le motheo o o botlhokwa wa pholisi ya puo ya go ruta le go ithuta le wa tekolo kwa YBB. Molaomotheo ono o
laola tsela e YBB e tsenyang dipuo tse di farologaneng tirisong ka gone fa go rutwa le fa go ithutwa mo dikhamphaseng tsotlhe tsa yunibesiti.
2. Ka jalo pholisi ya puo ya YBB ya go ruta ke yone e laolang tiriso ya dipuo tse di farologaneng le dipuo tse khamphase e e rileng e eletsang go dirisa tsone e mo go yone go tlotlwang
ditshwanelo tsa batho botlhe ba ba amegang.
3. Ka jalo ditekanyetso tse di latelang di tlhoma ditekanyetso tsa pholisi ya puo tse di beetsweng tiro ya go ruta mme di dirisiwa ka go feto-fetoga le maemo mo leanong-puo la go ruta:
(i) palo ya dipuo le dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba ba e buang mo dikhamphaseng,
(ii) dikgono tsa baithuti ba ba farologaneng ba ba batlang go rutwa ka dipuo tse ba di itlhophelang le/kgotsa mananeo a go ruta, le
(iii) go tlamela ka dilo tsotlhe tse di tlhokwang tsa puo mo YBB.
DITAELO TSA PHOLISI YA PUO
1. Le fa Seesemane le Aforikanse di dirisiwa jaaka dipuo tsa konokono tse go rutwang ka tsone mo YBB, go dirwa maiteko ka botlalo kwa go nngwe le nngwe ya dikhamphase tsa YBB go
(i) tsenya tirisong Setswana le Sesotho gore go rutwe le go ithuta ka tsone; (ii) go baya seno leitlho go bona gore se atlega go le go kana kang le (iii) go romela pego ngwaga le ngwaga
kwa go IM ka kgatelopele le matswela a diporojeke tseno.
2. Go dirisiwa mekgwa e e farologaneng ya go dirisa dipuo fa go rutwa kwa dikhamphaseng tse di farologaneng go tokafatsa le go tlhofofatsa tsela ya go fitlhelela thuto-godimo. Mekgwa
eno ke: go ruta ka puo e le nngwe fela, go ruta ka go dirisa dipuo tse di farologaneng ka nako e le nngwe kgotsa go dirisa dipuo tse pedi, mmogo le ditirelo tsa go ruta ka go toloka
kgotsa educational interpreting services (EIS). (Tsweetswee ela tlhoko gore go tsenngwa ga EIS mo mananeong a mangwe a go ruta go dirwa go ya ka ditekanyetso le mekgwatsamaiso e go dumalanweng ka yone.) Ditlhopha tsa botsamaisi tsa dikhampase di rotloediwa gore di tswelele pele go dira dipatlisiso tsa go bona dikgonego tse di farologaneng tsa go
simolola go ruta le go ithuta ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng, le go tlotla le Lefapha la Dipuo ka seno.
3. Lefapha la Dipuo ke lefelo le go isiwang dipego kwa go lone le tharabololo ya mathata a a amanang le puo kgotsa dingongorego tsa go gatakelwa ga ditshwanelo tsa batho, kgotsa go
thibela go gatakelwa ga ditshwanelo tsa puo.
4. E sala e ntse e le boikarabelo jwa Lefapha la Dipuo le ditlhopha tsa botsamaisi jwa dikhampase go dira gore melaometheo ya pholisi ya puo ya go ruta e nne e e solofetsang le e e
dirang kgato ka kgato, le go tlotla, go laola le go baya leitlho go dira ga yone ka dinako tsotlhe.
LEANO-PUO LA GO TLHOMA THULAGANYO E E DIRANG YA GO RUTA LE GO ITHUTA KA TIRISO YA DIPUO TSE DI FAROLOGANENG LE TEKOLO
1. Tiriso ya dipuo tse di farologaneng le dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba ba e buang le gore baithuti le badiri ba khamphase e e rileng ba eletsa go bua puo efe e na le seabe se se
botlhokwa thata mo go direng tshwetso ya gore go tla dirisiwa tsela efe ya go tsenya mo tirisong leano-puo la go ruta le go ithuta e bile le rulaganyediwa ruri gore le kgone go tlamela
khampase eo ka dilo tse e di tlhokang tsa puo eo.
Gangwe ka ngwaga kwa bokhutlong jwa Moranang, Lefapha la Dipuo la. Setheo kgotsa Language Directorate (ILD) le tla naya ditlhopha sa botsamaisi dipalopalo tsa dipuo tse di
farologaneng mo magorong, mo mafapheng le mananeo a go ruta go dira gore go kgonege go dira leano le le tshwanetseng.
2. Mo lenaneong la go dira ga pholisi ya tiriso ya dipuo tse di farologaneng, le go ya ka dipalopalo tsa dipuo tse di farologaneng mo khamphaseng e e rileng, Aforikanse le Seesemane di
dirisiwa jaaka dipuo tsa konokono tse go rutwang ka tsone kwa YBB. Mme ka nako e le nngwe fela, go tlhomiwa thulaganyo e e dirang gore go kgonege go dirisa Setswana (MC/PC) le
Sesotho (VTC) go ruta le go ithuta ka tsone kwa go nngwe le nngwe ya dikhamphase tseno. Ka ntlha ya dintlha-tshedimosetso tseno, go raya go mekgwa ya puo ya go ruta, ya go
buisana ga baithuti mo phaposing, ya go buisana le baithuti ka LMS le ka mokgwa ope fela o mongwe, ya go tlamelwa ga bone ka dibuka-kaelo tsa thuto le dipampiri tsa dipotso le dilo
tse dingwe tse di maleba tse di tlhokegang e tshwanetse ya nna e gantsi e tlamelang ka thulaganyo ya tiriso ya dipuo tse di farologaneng e boikaelelo jwa yone e leng go tlamela
baithuti le badiri ba ba buang dipuo tse di rileng ka dilo tsa puo eo tse ba di tlhokang.
1 Go kwalwa ga dinomore mo tokomaneng eno go dirilwe go ya ka Pholisi ya Puo ya YBB e e tlhabolotsweng ka 2012. Boikaelelo jwa yone ke go tlamela ka leano-puo, thulaganyo ya go e tsenya tirisong le mekgwa-tsamaiso e go
tshitshintsweng gore go dirisiwe yone go kaela tsela ya go simolola go e dirisa, ditherisano tse di tswelelang pele le go baya leitlho go tsenngwa tirisong ga pholisi.
1
3.
Boikaelelo jwa YBB ke go rotloetsa ditshwanelo tsa puo tsa batho ba yone ba ditšhaba tse di farologaneng e bile e tlhomile ofisi ya motlhankedi yo o reetsang le go rarabolola
dingongorego ka puo go tlhomamisa gore setheo se rotloetsa ditshwanelo tsa puo tsa baithuti le tsa badiri. Ofisi eno e mo teng ga ILD mme e dirisana mmogo le ditlhopha tsa
botsamaisi tsa dikhampase tse di farologaneng go tlhomamisa gore mathata a a amanang le puo a a rarabololwa.
2
GO E
TSENYA
TIRISON
G
GO TSENYA TIRISONG PHOLISI YA PUO & LEANO-PUO LA GO RUTA LE GO ITHUTA LE TEKOLO
•
Ka ntlha ya palo ya dipuo tse di farologaneng tsa baithuti mo khamphaseng nngwe le nngwe, go nna le dipharologano mo khamphaseng nngwe le nngwe, mme nngwe le nngwe ya
dikhamphase tseo e letla tiriso ya dipuo tse di farologaneng tsa baithuti tse nngwe le nngwe ya tsone e tlamelwang ka dilo tsa yone tse baithuti ba di tlhokang.
•
9.1.4
•
•
•
Go dirisa Seesemane le Aforikanse jaaka dipuo tse go rutwang ka tsone go a farologana go ya ka dikhampase ka ntlha ya go farologana ga dilo tse di tlhokegang tsa dipuo tseo.
Go tlhomiwa ga Setswana le Sesotho jaaka dipuo tsa Thuto-Godimo go dirwa ka tsela e e sa tshwaneng mo dikhamphaseng ka go farologana ga tsone (Cf Mokgwa-Tsamaiso
9.1.4.B go bona dikaelo tsa ditlhopha tsa botsamaisi tsa khamphase go tokafatsa tiriso ya Setswana le Sesotho gore go rutwe le go ithutwa ka tsone)
Mekgwa ya dipuo e go rutwang ka yone (mokgwa wa go dirisa puo e le nngwe, mokgwa wa go dirisa dipuo tse pedi, EIS, go dirisa dipuo tse pedi ka go di refosana) e a farologana
go ya ka dikhampase ka ntlha ya gore dilo tse di tlhokegang tsa dipuo tseo le tsone di a farologana. (Cf Mokgwa-Tsamaiso 9.1.4.A go bona dikaelo tse di tshwanetseng go
latelwa tsa go atolosiwa ga EIS. Gape leba Mokgwa-Tsamaiso 9.1.4.C go bona dikaelo tsa puisano ka go dirisa dipuo tse di farologaneng tsa tiro fa gare ga baithuti ba ba
dirisang dipuo tse di farologaneng tse ba di buang kwa gae kgotsa tsa TL mo YBB)
Dithulaganyo tsa dipuo tse di buiwang kwa gae kgotsa tsa TL mo legorong lengwe le lengwe di tshwanetse go supiwa mo dikhalentareng tsa legoro le mo diforamong tse dingwe
tse di maleba.
Mafikeng
•
•
o
o
o
o
Seesemane se dirisediwa thata go ruta le go ithuta le
tekolo, fa fela seno se sa kgoreletse go fitlhelelwa ga
thuto-godimo le go atlega. Go dirwa dipatlisiso tse di
tswelelang pele tsa go bona gore a khamphase e
siametse go atolosa tiriso ya Setswana gore go rutwe
le go ithuta ka sone.
Go dirisa dipuo tse pedi ka go di refosana gore motho
a bue Setswana go ka dirisiwa go thusa ba bangwe go
tlhaloganya fa fela e le gore batlhatlheledi ba tla kgona
go boela gape kwa Seesemaneng gore ba kgone go
akaretsa baithuti ba ba sa itseng go bua Setswana.
Go kgona go fitlhelela thuto-godimo le go atlega go
dirwa ka ditsela tse di latelang:
Dikgopolo tsa konokono tsa tiriso ya dipuo tse di
farologaneng di a akarediwa mo dibuka-kaelong tsa
thuto tsa ngwaga wa ntlha go thusa ba bangwe go
tlhaloganya botoka.
Go ya ka fa go kgonegang ka gone, dipampiri tsa
dipotso gape di na le dipotso ka Setswana le
Aforikanse go thusa jaaka melaometheo ya go
sikarisa baithuti maikarabelo a go ithuta.
Thuto ya tlaleletso kgotsa SI e dirwa ka mokgwa wa
tiriso ya dipuo tse di farologaneng mme go thapiwa
batlhatlheledi ba SI ba ba nang le bokgoni jwa go
dirisa dipuo tse di farologaneng.
Puisano fa gare ga batlhatlheledi ba maemo a a
farologaneng/badiri ba kemonokeng le baithuti e
dirwa ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng tsa tiro.
Potchefstroom
•
o
o
o
o
•
Le fa Aforikanse e dirisediwa thata go ruta le go ithuta le
go dira tekolo, go na le dithulaganyo tse di latelang go
tlhomamisa gore baithuti ba ba eletsang go dirisa dipuo
tse dingwe di sele le ba ba nang le dilo tsa dipuo tseo
tse ba di tlhokang ba kgona go fitlhelela thuto le go
atlega:
Mo go kgonegang gone, dibuka-kaelo tsa thuto le
dipampiri tsa dipotso di bodiwa ka Seesemane le ka
Aforikanse, mme baithuti ba tlhopha epe fela ya dipuo
tseno go araba ka yone. Baithuti ba ka nna le seabe ka
go bua Seesemane kgotsa Aforikanse fa go tshwerwe
metlotlo mo phaposiborutelong.
Thuto ya SI e dirwa ka mokgwa wa tiriso ya dipuo tse di
farologaneng mme go thapiwa batlhatlheledi ba SI ba
ba nang le bokgoni jwa go dirisa dipuo tse di
farologaneng.
Puisano fa gare ga batlhatlheledi ba maemo a a
farologaneng/badiri ba kemonokeng le baithuti e dirwa
ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng tsa tiro.
Dikgopolo tsa konokono tsa tiriso ya dipuo tse di
farologaneng di a akarediwa mo dibuka-kaelong tsa
thuto tsa ngwaga wa ntlha go thusa ba bangwe go
tlhaloganya botoka.
Ditirelo Tsa go Rutwa ka go Toloka kgotsa Educational
Interpreting Services (EIS) di dirwa thata ka Seesemane
mo lenaneo-thutong le le lengwe kgotsa al le mmalwa
mo go lengwe le lengwe la magoro kwa Khamphaseng.
Ka dinako tse dingwe, EIS e dirwa ka Aforikanse le ka
Setswana.
Fa baithuti ba sena go amogelwa, ba a bolelelwa gore
go dirisiwa EIS mo mananeo-thutong a go ruta mme ba
Khutlotharo ya Lekwa
•
Seesemane le Aforikanse di dirisediwa go ruta le go
ithuta le go dira tekolo, fa fela seno se sa kgoreletse go
fitlhelela thuto-godimo le go atlega. Go na le
dithulaganyo tse di latelang tsa go akaretsa dilo tsa puo
tse di tlhokwang ke badiri le ke baithuti ba ba e buang ba
ditšhaba tse di farologaneng:
o Fa go tshwanelang gone, dibuka-kaelo tsa thuto le
dipampiri tsa dipotso di bodiwa ka Seesemane le ka
Aforikanse, mme di akaretsa Sesotho go ya
bokgakaleng joo go ka kgonegang ka jone. Baithuti ba
tlhopha go araba ka Seesemane kgotsa ka Aforikanse.
Baithuti ba ka nna le seabe ka go bua Seesemane
kgotsa Aforikanse fa go tshwerwe metlotlo mo
phaposiborutelong.
Ka dinako tsa fa maloko a badiri a sena (di)puo tse di
dirisiwang le tse baithuti ba eletsang go di dirisa, go
tshwanetse ga dirisiwa dithulaganyo tse di latelang go
tokafatsa puisano fa gare ga batlhatlheledi le baithuti:
(i) tumalano, mo mmojuleng mongwe le mongwe, fa
gare ga tlelase le motlhatlheledi, le gore puo e tla
dirisiwa jang mo mmojuleng o o ithutwang, (ii) go batla
sentle tsela e e dirang sentle ya go tshwaya le go dira
tekolo go letla baithuti go konela ditekolo tsa bone ka
puo e ba e itlhophetseng (Seesemane/Aforikanse)
o Thuto ya tlaleletso kgotsa SI e dirwa ka mokgwa wa
dipuo tse di farologaneng mme go thapiwa
batlhatlheledi ba SI ba ba nang le bokgoni jwa go dirisa
dipuo tse di farologaneng
o Puisano fa gare ga batlhatlheledi ba maemo a a
farologaneng/badiri ba kemonokeng le baithuti e dirwa
ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng tsa tiro.
3
tshwanetse go akanyetsa gore puo e tlile go ba ama jang
fa ba fuduga go tswa go lenaneo le lengwe la puo go ya
kwa go le lengwe.
o
•
•
GO E
TSENYA
TIRISON
G
9.1.5
Dikgopolo tsa konokono tsa tiriso ya dipuo tse di
farologaneng di a akarediwa mo dibuka-kaelong tsa
thuto tsa ngwaga wa ntlha go thusa ba bangwe go
tlhaloganya botoka.
Go tokafatsa tshono e e tlhamilweng ke baithuti ba ba
dirisang dipuo tse di farologaneng le go dira gore ba
tlhaloganye botoka, mekgwa le melaometheo ya go ruta
ya mo phaposiborutelong e tshwanetse go akaretsa
ditshono tsa gore botlhe ba tlhame ditshono tsa go
tlhaloganya ka tsela e gantsi go tlhaloganngwang ka
yone go ya ka pono ya dipadi tsa dipuo tse di
farologaneng.
Go tshitshinngwa gore beng ba lenaneo-thuto ba batle
fomula ya puo e mo go yone go tla fitlhelelwang
tumalano ka palo e e lekanyeditsweng ya baithuti go
tlhomamisa gore go rutwa ka go dirisa puo e e fetang e
le nngwe tse di farologaneng. Thulaganyo e e ntseng jalo
e tla ikaega ka ditirelo tse di leng teng le bokgoni jwa
badiri.
GO TSENNGWA TIRISONG GA PHOLISI YA PUO & LEANO-PUO GORE LE DIRISIWE KE OFISI YA MOTLHANKEDI YO O REETSANG LE GO RARABOLOLA DINGONGOREGO KA
PUO KWA YBB
•
Mokaedi wa Lefapha la Merero ya Puo la Setheo o dira jaaka motlhankedi wa setheo yo o reetsang le go rarabolola dingongorego ka puo mme mo khampaseng o dirisana mmogo le
mokwadisi wa mo khamphaseng yo go tlisiwang dipego mo go ene mmogo le go tlisa ditsela tsa go thusa go berekana le go rarabolola mathata le go araba dipotso dipe fela tse di
amanang le puo. (Cf Mokgwa-tsamaiso 9.1.4.D mokgwa-tsamaiso o o tshwanetseng go latelwa fa go tlhatlhelwa ngongorego ka puo.)
•
Ofisi ya motlhankedi yo o reetsang le go rarabolola dingongorego ka puo o diragatsa maikarabelo a a latelang a a menanegang ganè:
o
Go tswelela ka go tlamela ka tshedimosetso ya go dirisiwa ga dipuo go tlhofofatsa tsela e dilo di dirwang ka yone.
o
Go naya batho tshedimosetso ka ditshwanelo tsa puo tsa ditlhopha tse di leng mo teng ga setheo tse di amegang kwa setheong.
o
Go ntsha pego le go araba dipotso le go rarabolola mathata a a amanang le puo ka go rerisana le ditlhopha tse di amegang.
o
Go “tsenya” tshedimosetso ya kafa mathata a puo a rarabolotsweng ka gone mo tsamaisong ya go dirisiwa ga puo gore go se ka ga tlhaga bothata jo bo tshwanang gape mo
isagweng.
4
9.2
PHOLISI
YA PUO
9.2.1
PHOLISI
YA PUO
9.2.2
PHOLISI
YA PUO
9.2.3
GO E
TSENYA
TIRISON
G
9.2.4
DIPUO TSA TSAMAISO, TSA TIRO LE TSE DI DIRISIWANG THATA MO SETHEONG
MELAOMETHEO YA PHOLISI YA PUO
1.
YBB e a dumela gore go nna le dipuo tse dintsi tse di farologaneng tse setheo se di dirisang mo dilong tse di farologaneng le go nna kelotlhoko go dirisa dipuo tse bana-le-seabe ba mo
teng ga setheo le ba kwa ntle ga setheo ba eletsang go di dirisa e tla nna yone kaelo ya tsela ya go dira tshwetso ya ka fa dipuo tsa yone tsa semmuso di tla dirisiwang ka yone jaaka
dipuo tsa tiro le tsa tsamaiso. Molaomotheo ono gape o kaela puisano ya mo teng le ya kwa ntle ga setheo, le tsela e ka yone dipuo tse di dirisiwang thata mo setheong di lebegang ka
yone. Tsela ya go dirisa dipuo tse di farologaneng e dira jaaka molaomotheo o o kaelang seno.
2.
Tshwetso ya go tlhopha puo e e tla dirisiwang ka dinako tsotlhe mo teng le ka kwa ntle ga setheo e akanyetsa dintlha tse di latelang: boemo/diteng tsa se go buisanwang ka sone,
boikaelelo jwa puisano, dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba ba e buang le gore ba o buisanang le bone ba itse puo eo go le go kana kang.
DITAELO TSA PHOLISI YA PUO
1.
Go tsenngwa tirisong ga tiriso ya dipuo tse di farologaneng tsa tiro, tsamaiso le dipuo tse di dirisiwang thata mo setheong go dirwa ka thulaganyo le go tlhoma mekgele. Ka thulaganyo
ya go gakololana, le ka pego e e tshwanetseng ya ditshwanelo tsa puo tsa bana-le-seabe, go dirwa ditshitshinyo tsa maano a a rileng le go tlhongwa ga dithulaganyo tse di rileng ka
dinako tsotlhe gore go nne le tiriso ya dipuo tse di farologaneng ka botlalo ka moo go ka kgonegang ka gone mo lefelong la tiro la YBB.
2.
Ditlhaeletsano tsa kwa ntle le tsa kgwebo di dirwa ka tsela ya seporofešenale ka dipuo tsa semmuso tsa YBB – Seesemane, Aforikanse, le Setswana – mme puo e e tlhophiwang gore
go buisanwe ka yone e tswelela pele go laolwa ke boikaelelo jwa tiragalo e go buisanwang ka yone, dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba ba e buang le bokgoni jwa puo jwa ba o
buisanang le bone.
LEANO-PUO LA GO TLHOMA TIRISO YA DIPUO TSE DI FAROLOGANENG TSA TSAMAISO, TSA TIRO LE TSE GO KWALELANWANG KA TSONE
1.
Tiro gantsi e dirwa ka dipuo tse di farologaneng e leng Seesemane, Aforikanse, Setswana le Sesotho mme go tlhophiwa gore dipuo tsa tiro, tsa tsamaiso le tse go kwalelanwang ka
tsone e nne tse di farologaneng. Go tlhopha le go dirisa dipuo tse tharo tseno go ikaegile ka maemo/diteng tsa se go buisanwang ka sone, maikaelelo a puisano, dilo tsa puo tse di
tlhokwang ke ba ba e buang le gore ba go buisanwang le bone ba kgona puo eo go le go kana kang.
2.
Ofisi ya Setheo e dirisa Seesemane, Aforikanse le Setswana, fa Khamaphase ya kwa Mafikeng yone e dirisa Seesemane le Setswana, Khampase ya Potchefstroom e dirisa
Aforikanse, Seesemane le Setswana, mme Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa yone e dirisa Seesemane, Aforikanse le Sesotho. Le mororo Seesemane le Aforikanse di dirisiwa thata
jaaka dipuo tsa tiro le tsa tsamaiso go gaisa Setswana, setheo se sola molemo bokgoni jwa ga jaanong jo go nang le bosupi jwa gore se na le jone jwa go tsenya Setswana ka tsela e e
rulagantsweng gore le sone se dirisiwe mo tirong eno – tumalanong le dikaelo tsa bosetšhaba tsa go oketsa tiriso ya dipuo tsa seaforika mo Thutong-godimo.
3.
Go tlhophiwa ga Setswana jaaka puo ya boraro ya tiro kwa dikhamphaseng tsa YBB tse di leng mo Porofenseng ya Bokone-Bophirima go rotloediwa ke mabaka a go nna le dipuo tse
di farologaneng mo kgaolong le ke dikaelo tse di amogetsweng tsa pholisi ya puo ya porofense. Go tlhophiwa ga Sesotho kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa go bakwa thata
ke go nna le dipuo tse di farologaneng mo Borwa jwa Gauteng le kwa Bokone jwa Foreisetata le gore Sesotho ke puo ya konokono mo kgaolong eo.
4.
Go dirwa gore go nne le tiriso ya dipuo tse di farologaneng tsa tiro le gore thulaganyo eo e tswelele pele le go bona gore dipuo tse di dirisiwang thata mo setheong sa YBB ke dife, go
dirwa ga tiriso eo go dirwa kgato ka kgato ka mekgwa-tsamaiso e e dirwang kgato ka kgato le go tlhomiwa ga maano a a tsayang lobaka lo lo khutshwane le a a tsayang lobaka lo lo
leele.
GO TSENNGWA TIRISONG GA PHOLISI YA PUO & LE THULAGANYO YA DIPUO TSA TSAMAISO, TSA TIRO LE TSE GO KWALELANWANG KA TSONE
1. Mo setheong, go fitlhelelwa ga ditlamorago tseno go nna teng ka go dirisa tirelo ya kemonokeng e e kopanetsweng. Malebana le seno, Lefapha la Puo, le le dirisanang mmogo le
bommenejara botlhe ba Ofisi ya Setheo, le sala le na le boikarabelo jwa go bona gore dikaelo tseno tsa leano-puo di dirisiwa ka tsela e e nang le matswela, le go tswelela ka go
tokafatsa mafapha le ditaelo tsa go dirisiwa ga dipuo tse di farologaneng kwa YBB.
2. Kwa khamphaseng, mafapha otlhe a a maleba a tsamaiso mmogo le bakwaledi ba khamphase nngwe le nngwe, mafapha a go maketa le ditlhaeletsano, ofisi ya go amogelwa ga
baithuti le ba bangwe ke bone ba sikarang boikarabelo jwa go bona gore ke dipuo dife tse di dirisiwang thata mo setheong le go dirisiwa ga dipuo tse di farologaneng tsa tiro mo teng ga
setheo le kwa ntle ga sone (go akaretsa le mo inthaneteng le mo interaneteng).
3. Kwa setheong, lefapha la Ditlhaeletsano ka Tsa Kgwebo le sikara boikarabelo jwa go dirisa lenaneo-thuto la kwa ntle ga setheo la go dirisa dipuo tse di farologaneng.
4. Malebana le melawana ya puo e e tshwanetseng go latelwa ya go tlhama tokomane, molaomotheo wa tiriso o kaela thulaganyo eno. Malebana le ditokomane tse go iseng go dirwe
tshwetso ya bofelo ka tsone/tse di sa ntseng di kwalwa (ka sekai, dithulaganyo tsa pholisi), kgato yotlhe ya go di kwala e dirwa ka puo e le nngwe ya konokono ya tiro e e kgonang go
buisiwa ke maloko a komiti ya tiro. Fa tokomane e sena go wediwa le go amogelwa semmuso ke setlhopha se se dirang dipholisi kgotsa ke lefapha le lengwe la semmuso, tokomane eo
e ranolelwa kwa dipuong tse dingwe tsa semmuso tsa YBB.
5. Malebana le thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa malebana le lefelo la tsamaiso, la tiro le la kopano le mo go lone go dirisiwang dipuo tse di farologaneng, mafapha a ditlhopha tsa
botsamaisi kgotsa mafapha a tiro ke one a nang le maikarabelo a go dira tshwetso ka boone ya dipuo tsa tiro fa fela e le gore a akanyetsa dilo tsa dipuo tse di farologaneng tse di
tlhokwang ke ba ba di buang le ditshwanelo tsa puo tsa ba go buisanwang le bone: (i) Dikopano tsa mo khamphaseng: ditokomane le puo e go tshwarwang motlotlo ka yone di dirwa ka
puo e e buiwang mo khampaseng kgotsa dipuo tse di buiwang mo khampaseng, fa fela e le gore ditshwanelo tsa dipuo tse di farologaneng le dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba go
5
6.
buisanwang le bone di a akanyediwa. (ii) Dikopano tse di akaretsang mafapha a ofisi ya setheo mmogo le baemedi ba ba tswang kwa dikhampaseng ga ba tlhokomologe dipuo tse
baemedi ba khampase ba tlhophang go di dirisa le dilo tsa puo tse di tlhokwang ke bone mme di akaretsa dilo tsa dipuo tse di farologaneng tse di tlhokwang ke ba ba di buang. (Cf P
Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.A)
Malebana le tiriso ya dipuo tse di farologaneng le go kwalelana ka tsone, molaomotheo wa kaelo fano ke go sa tlhokomologe dipuo tse di farologaneng tsa botlhe tsa tiro mo YBB. Ka
jalo, dikai tsa puisano ya mo teng ga setheo le ya ka kwa ntle ga setheo gantsi di bontsha ka fa go tlhokegang ka gone go se tlhokomologe dipuo tse ba bangwe ba tlhophang go di
dirisa le dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba go kwalelanwang le bone: (i) Dipuisano ka dipuo tsa mo teng ga setheo go tswa mo lefapheng la ofisi ya setheo go ya go fitlha ka dipuo tsa
tiro/ka batho ba ba di buang di dirwa ka puo ya mo khampaseng kgotsa ka puo e batho ba e itlhophelang. (ii) Dipuisano tsa kwa ntle ga setheo di dirwa ka puo e batho ba go
buisanwang le bone ba e itlhophelang.
Mafikeng
•
•
Le fa Seesemane e le sone sa konokono jaaka puo e
go buisanwang gongwe le gongwe ka yone kwa
Khamphaseng ya Mafikeng, selekanyo se Setswana
se dirisiwang ka sone mo ditirong tsa tsamaiso se
tshwanetse go okediwa.
Go ntshitswe tshitshinyo ya gore Setswana se dirisiwe
mmogo le Seesemane fa go kwalwa dilo tse di
latelang:
o
Diajenda le ditshwetso tse di dirilweng mo
dikopanong tsa dikomiti tsa senate sa
khamphase
o
Matshwao a khamphase
o
Mokwalo o o sa fetolweng wa thanolo e e
netefaditsweng semolao ya ditifikeiti tsa
kalogo
o
Inthanete le interanete (cf thulaganyo e e
tshitshintsweng ya go tswelela kgato ka
kgato ga tiro ya go ranolwa ga ditokomane –
cf Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.C)
o
Dipuisano fa gare ga mafapha a maemo a a
farologaneng a a dirang ka dilo tsa mo
tirong (jaaka letlole la go rola tiro, dilo tsa
semolao, mathata a tsa kalafi)
Malebana le meletlo ya kalogo, mokwalo wa semmuso
o kwalwa ka dipuo tse di farologaneng (cf MokgwaTsamaiso 9.2.4.B)
Potchefstroom
•
•
•
•
•
Aforikanse e dirisiwa jaaka puo ya konokono ya tsamaiso
mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Mme go botlhokwa
gore go dirisiwe dipuo tse di farologaneng tse di
akaretsang botlhe gore badiri le baithuti ba ba sa bueng
Aforikanse ba ikutlwe ba amogelesegile. Ka ntlha ya
seno, Seesemane le Setswana di dirisiwa ka tsela e e tla
dirang gore botlhe ba tlhaloganye se go buiwang ka
sone.
Ditokomane tse go tshwanetseng ga tlotlwa ka tsone mo
dikopanong tsa ka gale tsa setheo di tshwanetse go bo e
le tse di kwadilweng ka Seesemane. Thulaganyo ya go
tswelela kgato ka kgato ga tiro e tlamela ka dikaelo tsa
thulaganyo ya go ranola e e tshwanetseng go latelwa (cf
Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.C).
Go buisana ga baithuti: Dilo tsa go dira poromoušene ya
mananeo a go ruta di gatisiwa ka puo e lenaneo le
rutwang ka yone e bile di na le tlhaloso e e utlwalang
sentle ka puo e go dirisiwang yone ya lenaneo-thuto leo.
Dikhalentara le makwalo a go amogelwa ga badira-kopo
di na le tshedimosetso e e utlwalang sentle ka puo e
mananeo a rutwang ka yone. Diforomo tsa go dira kopo
di teng ka dipuo tse pedi. Diforomo tsa go ikwadisa di
tlamela baithuti ka tshono ya go supa puo e ba eletsang
go buisana le ba bangwe ka yone. (A/S
Aforikanse/Seesemane). Diforomo tseno gape di na le
dipolelwana tsa tholo-boikarabelo tse mo go tsone
baithuti ba amogelang gore ba dumalana le LoLT mo
lenaneong le ba le ikwadisetsang.
Ditefekeiti tsa kalogo di gatisiwa ka puo e lenaneo leo le
rutwang ka yone – le fa baithuti ba weditse mananeo a
thuto ka EIS. Gape, baithuti botlhe ba amogela thanolo e
e netefaditsweng ya setifikeiti sa thanolo ka Seesemane;
mafoko a a gatisitsweng ka segatisa-mantswe a akatemi
a a tlantsweng ka A le ka E go sa kgathalasege gore go
ne go dirisiwa puo efe mo lenaneong la thuto.
Malebana le meletlo ya kalogo, mokwalo wa semmuso o
kwalwa ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng (cf
Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.B)
Khutlotharo ya Lekwa
•
•
•
•
•
•
Tsamaiso kwa VTC e dirwa ka dipuo tse di farologaneng
mme Seesemane le Aforikanse di dirisiwa ka go
lekalekana mo go yone, mme Sesotho sone se dirisiwa
moo se dirang gore ba bangwe ba tlhaloganye botoka
gone.
Tsamaiso ya kopano: Seesemane ke puo e e botlhokwa
thata e go kwalwang ditokomane ka yone mo
dikokoanong tsa khampase. Mo kopanong go dirisiwa
dipuo tse di farologaneng (cf Mookgwa-Tsamaiso
9.2.4.A).
Go buisana ga baithuti: Go buisana ga baithuti: Dilo tsa
go dira poromoušene ya mananeo a go ruta di gatisiwa
ka puo e lenaneo le rutwang ka yone e bile di na le
tlhaloso e e utlwalang sentle ka puo e go dirisiwang yone
ya lenaneo-thuto leo. Dikhalentara le makwalo a go
amogelwa ga badira-kopo di na le tshedimosetso e e
utlwalang sentle ka puo e mananeo a rutwang ka yone.
Diforomo tsa go dira kopo di teng ka dipuo tse pedi.
Diforomo tsa go ikwadisa di tlamela baithuti ka tshono ya
go supa puo e ba eletsang go buisana le ba bangwe ka
yone. (A/S Aforikanse/Seesemane). Diforomo tseno
gape di na le dipolelwana tsa tholo-boikarabelo tse mo
go tsone baithuti ba amogelang gore ba dumalana le
LoLT mo lenaneong le ba le ikwadisetsang.
Ditefikeiti tsa kalogo di gatisiwa ka puo e go rutwang ka
yone mo lenaneong le le rileng la thuto jaaka go
dumalanwe ka nako ya go ikwadisa. Baithuti ba
tshwanetse go supa gore a ba batla gore Setefikeiti sa
bone sa kalogo se ranolelwe mo Aforikanseng kgotsa
mo Seesemaneng. Go dirwa se se tshwanang le ka
ditaelo tsa mafoko a a gatisitsweng ka segatisa-mantswe
a a tlantsweng a akatemi ka A le ka S.
Malebana le meletlo ya kalogo, mokwalo wa semmuso o
kwalwa ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng (cf
Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.B)
Inthanete le interanete di kwadilwe ka dipuo tse di
farologaneng. Leba thulaganyo e e tshitshintsweng ya
go elela ga tiro ya go ranolwa ga ditokomane (Mokgwa-
6
•
•
Dikopano di tshwarwa ka dipuo tse di farologaneng tsa
tiro; mme go na le ditirelo tsa go toloka (cf MokgwaTsamaiso 9.2.4.A)
Inthanete le interanete di kwadilwe ka dipuo tse di
farologaneng. Leba thulaganyo e e tshitshintsweng ya go
elela ga tiro ya go ranolwa ga ditokomane (MokgwaTsamaiso 9.2.4.C)
Tsamaiso 9.2.4.C)
7
Ofisi ya Setheo
Tlhabololo ya Bokgoni Jwa Badiri mo Tirong
Diforomo tsotlhe tsa HR (sekai, tsa kopo, tsa go tsaya maeto kgotsa tsa go nna mo gae, tsa malatsi a khunologo) di teng ka dipuo tse di farologaneng tsa tiro go ikaegile ka dilo tse di
tlhokegang mo teng ga setheo tsa go dira tekolo, le go naya maloko a badiri tlhopho ya go dirisa foromo e e kwadilweng ka puo e ba e itlhophelang.
Dipapatso tsa diphatlhatiro di teng ka dipuo tse pedi (A, S). Di ka mokgwa o o latelang: PC le VTC: Khmapase ya Potchefstroom le Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa: AS; Mfk: S.
Ditokomane ka kakaretso di teng ka A&S. Puisano fa gare ga mafapha a maemo a a farologaneng a a buisanang le dikhampase e dirwa ka dipuo tse di buiwang mo khampaseng: PC le
VTC: Khmapase ya Potchefstroom le Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa: A&S, Mfk: S.
Go buisana le maloko a badiri/mafapha a tiro ka lekwalo go dirwa ka dipuo tse di farologaneng tsa tiro (ke gore, tshedimosetso ka disalari, letlole la go rola tiro, mathata a kwa tirong,
mathata a tsa kalafi) ka puo e e buiwang mo khampaseng kgotsa ka puo e motho ka boene a e itlhopheang.
Thulaganyo ya go ithuta le tlhabololo
Katiso ya mo teng ga setheo – mo khampaseng le mo setheong – ya badiri ba BOGOLOGOLO e dirwa ka dipuo tse di farologaneng tsa tiro; mme ditokomane di kwalwa ka dipuo tse di
farologaneng tsa tiro. (Cf Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.A) Ditokomane: di teng ka dipuo tse di farologaneng tsa tiro.
Go katisiwa ke bakatisi ba ba tswang kwa ntle ga setheo: Katiso ya ga jaanong e bontsha gore Seesemane ke sone se se dirisiwang thata mo go yone. Go tlamelwa ka ditirelo tsa botoloki
go letla batsayakarolo gore ba nne le seabe ka puo e ba e tlhophang. (Cf P Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.A)
Dikopano ka tsa tiro: Setheo. Baemedi ba ofisi le ba khamphase (sekai, Setheo. ADS,CAR, ICAS, Bokgoni Jwa Badiri mo Tirong, Kemonokeng ya Patlisiso, Maemo a Ditšhelete, Ofisi ya
Tsa Boleng, Go Nna le Seabe mo Baaging, Dikomiti, jj)
Ditokomane ka (di)puo tse go dumalanweng ka tsone (cf Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.C); puisano mo kopanong go ya ka Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.A
Bokwaledi jwa setheo
Lekgotla le komiti ya lone, Senate le dikomiti tsa sone, Setlhopha sa Botsamaisi sa Setheo: Ditokomane ka (di)puo tse go dumalanweng ka tsone (cf Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.C); puisano mo
kopanong go ya ka Mokgwa-Tsamaiso 9.2.4.A
Ditokomane tsa pholisi, melao le mekgwa-tsamaiso: Cf pele ga Ser 9.2.4.4
Ditlhaeletsano tsa Kgwebo
Lekwalodikgang go tswa kwa Lekgotleng le Motlatsa-Mokanseleri: Le teng ka dipuo tse di farologaneng tsa tiro go ya ka se se tlhokwang ke bana-le-seabe.
Pego ya ngwaga le ngwaga, Eish!, baithuti ba nako e e fetileng ba YBB+mekgwa e mengwe ya puisano: Le teng ka dipuo tse di farologaneng tsa tiro go ya ka se se tlhokwang ke bana-leseabe.
Inthanete le interanete: Le teng ka dipuo tse di farologaneng tsa tiro go ya ka se se tlhokwang ke bana-le-seabe.
Matshwao a khamphase: A kwalwa ka dipuo tse di farologaneng.
Diforamo tsa go tshwarwa ka tekatekano mo lefelong la tiro le mo tirong
Molao wa puo go ya ka Mekgwa-Tsamaiso 9.2.4.A & 9.2.4.C
Foramo ya Setheo
Molao wa puo go ya ka Mekgwa-Tsamaiso 9.2.4.A & 9.2.4.C
8
9.3
PHOLISI
YA PUO
9.3.1
PHOLISI
YA PUO
9.3.2
PHOLISI
YA PUO
9.3.3
GO E
TSENYA
TIRISON
G
9.3.4
PATLISISO & TLHABOLOLO
MELAOMETHEO YA PHOLISI YA PUO
1.
YBB e tlhagisa dipholo tsa boleng jo bo kwa godimo tsa patlisiso tse di buisiwang le go dirisiwa kwa dinageng di sele; ka jalo babatlisisi ba rotloediwa go gatisa dipholo tsa bone
tsa patlisiso ka (di)puo e dithaka tsa bone tsa sekolo di kgonang go e tlhaloganya.
2.
Mmatlisisi ke ene a tla tlhophang gore kgatiso e gatisiwa ka puo efe, mme dintlha tse dingwe tse di jaaka boikaelelo jwa pego ya patlisiso, ba ba tlileng go e buisa, mmogo le
bokgoni jwa puo jwa ba e tlileng go nna babuisi ba yone di a akanyediwa fa go tlhophiwa puo e e tlileng go tlhophiwa.
3.
YBB e tswelela pele go nna le seabe mo go batlang ditharabololo tse di nang le bokgoni tsa go tlatseletsa ga setšhaba mo go direng gore dipuo tse di farologaneng e nne tsa
thutego e e kwa godimo2.
DITAELO TSA PHOLISI YA PUO
1.
Puo e e tlhophiwang gore go dirwe dipholo tsa patlisiso ka yone e tla swetswa ke mongwe le mongwe wa babatlisisi mme tshwetso e e dirwang e dirwa ka go kopa kgakololo go
tswa go mokaedi yo o maleba wa patlisiso.
2.
Lefapha la Dipuo le nna le seabe ka ditsela tse di tlhagafetseng mo tirong ya patlisiso malebana le go eletsa gore go dirwe gore dipuo tse di farologaneng e nne tsa thutego e e
kwa godimo le go kgona go di dira jalo. Mo go dirweng ga seno, lefapha leno le tswelela pele go nna le seabe mo dipuisanong tse di amang kgang eno, gape le dirisana le
bomankge ba ba amanang le seno mo dikhampaseng, le go tswelela pele go bega dipholo tsa go nna le tirisanommogo le ba bangwe kwa Setlhopheng sa Botsamaisi sa Setheo e
le nngwe ya ditumalano tsa go dira tiro.
3.
Go ya ka tshwetso e e dirilweng ke Lekgotla ka Ngwanaatsele 2010 ka thulaganyo ya go dira gore dipuo tse di farologaneng e nne tsa thutego e e kwa godimo le go nna le seabe
ga YBB mo go direng jalo ka go dirisa kgopolo e e bidiwang yunibesiti e e etelelang pele, YBB ke yone e segolobogolo e lebang lereo leno jaaka kgopolo ya tlhabololo e e tlhokang
go tlhabololwa ka mokgwa o o rulagantsweng sentle le o o sa kgaotseng.
LEANO-PUO LA GO SIMOLOLA PATLISISO KA DIPUO TSE DI FAROLOGANENG TSA TIRO
1.
Ka ntlha ya kgaisano ya boditšhabatšhaba, kgatiso ya dipholo tsa go dira patlisiso kwa YBB e kwalwa ka puo kgotsa ka dipuo tse di kgonang go balwa ke batho ba dinaga tsa
boditšhabatšhaba.
2.
Go ya bokgakaleng jo go kgonegang ka jone le go dirisana mmogo le bakaedi ba patlisiso, babatlisisi ba rotloediwa go gatisa dipholo tsa bone tsa patlisiso ka tsela e e
rulagantsweng sentle ka Aforikanse le ka dipuo tse dingwe tsa Se-Aforika mo makwalopakeng a a dumeletsweng semmuso a borutegi a a kwalwang ka dipuo tseno. Fa a gatisiwa
ka Aforikanse, a gatisiwe gape le mo makwalopakeng a a dumeletsweng semmuso mo dinageng tse go buiwang Se-Dutch kwa go tsone. Go tshwanetse ga dirwa maiteko ka
botlalo a go tlhagisa dipholo tseno tsa patlisiso ka Setswana le ka Sesotho. Kgang eno e tshwanetse go dirwa e le karolo ya porojeke e ka yone YBB e fetogang go nna yunibesiti
ya konokono ya tlhabololo le tiriso ya dipuo tsa yone tsa tiro (cf ser 9.3.3.1.4)
3.
Dipego tse di telele le tse di khutshwane tse di kwaletsweng dikirii ya yunibesithi di lejwa e le ditokomane tsa ditlhatlhobo. Tshwetso ya gore kgatiso ya tsone e kwalwe ka dipuo
dife e dirwa ka go kopa kgakololo go tswa go moeletedi-pele wa patlisiso kgotsa moetletsi wa yone le go tswa go mokaedi wa patlisiso. Ka ntlha ya go akarediwa ga puo ya
Aforikanse gore e nne nngwe ya puo ya thuto-godimo, mmogo le go tsweletsa pele dipuo tse dingwe tsa seaforika gore le tsone e nne dipuo tsa thuto-godimo, baithuti ba
rotloediwa gore gape ba kwale dipego tsa patlisiso ya bone gore di dirisediwe ditlhatlhobo ka nngwe ya dipuo tseno.
4.
YBB e iteba e le yunibesiti e e etelelang pele ya tlhabololo, tiriso ya dipuo tse di farologaneng le go dira gore di tlhagelele: go dirwa diporojeke tsa go tlhama dipuo tsa tiro kwa
Yunibesiting mmogo le mekgwa le melaometheo ya go ruta dipuo tse di farologaneng mo dikhamphaseng tsotlhe. Go kopanngwa ga dithulaganyo tse di amanang le kgang eno go
dirwa ngwaga le ngwaga mme go ama mafelo a a maleba a patlisiso le Lefapha la Dipuo. Dipholo tsa ngwaga le ngwaga tse di tlhagisitsweng ke Lefapha la Dipuo morago ga go
gakololana le bana-le-seabe botlhe di newa IM ka kgwedi ya Diphalane di bo di newa Lekgotla ka kgwedi ya Ngwanaatsele.
GO TSENNGWA TIRISONG GA PHOLISI YA PUO & LEANO-PUO LA GO DIRA PATLISISO
1. Puo e go tlhophiwang gore kgatiso ya dipholo tsa patlisiso e kwale ka yone e swetswa kwa khamphaseng.
2. Kwantle ga go kgaotsa, YBB e dirisa ditsela tsotlhe tsa go tokafatsa kgatiso e e kwadilweng ka dipuo tse di farologaneng ya dipholo tsa patlisiso.
Go tshitshinngwa gore go dirwe maiteko ka tlhagafalo a go akaretsa bana-le-seabe botlhe gore ba simolole ka dithotloetso mo nageng yotlhe go naya kgatiso ya dipholo tsa patlisiso
maduo ka dipuo tse dingwe kwantle ga Seesemane fela; kgotsa go dirisana mmogo le makwalopaka a akatemi go ranolela mo Setswaneng diathikele tse di gatisitsweng.
Babatlisisi ba YBB ba rotloediwa gore gape ba ntshe ditshobokanyo tsa diathikele tse di patileng dipholo tseno tsa patlisiso ka puo ya Aforika Borwa fa e le gore pholisi ya botseleganyi
e letlelela tiriso ya dipuo tse di farologaneng.
2
go dira gore dipuo tse di farologaneng e nne tsa thutego e e kwa godimo” go raya lenaneo la leano-puo le mo go lone dipuo tse di farologaneng tse di dirisiwang mo setheong di sa tlhabololweng fela mme gape di tsenngwang tirisong gore di dirisiwe mo maemong a
akatemi (ke gore, jaaka dipuo tsa tsamaiso, tsa go ruta le tse go dirwang patlisiso ka tsone, mme segolobogolo go amana le dikgato tse di tla tlhomamisang gore dipuo tseno di tla dirisiwa ka tsela ya tsa borutegi ka tsela e e tla dirang gore moakatemi yo o di dirisang a
itlotle le gore batho ba Aforika ba ikutlwe b le botlhokwa..
9
3.
4.
9.4
PHOLISI
YA PUO
BOTSHELO JO BO RULAGANTSWENG JWA BAITHUTI LE KEMONOKENG YA PUO YA GO BAAKANYETSA TIRO
MELAOMETHEO YA PHOLISI YA PUO
1.
Dipharologano tsa puo tsa baithuti kwa dikhamphaseng tse di farologaneng tsa YBB di lejwa jaaka letlotlo la setheo le karolo e e botlhokwa thata ya go tlatseletsa mo tirong ya
go tlhoma lefelo le le akaretsang le go amogela botlhe.
2.
YBB e ikemiseditse go tlhomelela baithuti ka dikgono tse di tlhokegang tsa puo go dira gore ba kgone go nna le mekgele ya seporofešenale ya tiro.
9.4.1
PHOLISI
YA PUO
9.4.2
PHOLISI
YA PUO
9.4.3
GO E
TSENYA
TIRISON
G
9.4.4
Porojeke e tsweletse pele e mo go yone ditshobokanyo tseno tse di tla akarediwang mo pegong e e kwadilweng ka serutwa ya YBB di tla tlhagisiwang ka dipuo tse tharo (Cf MokgwaTsamaiso 9.3.4.A)
Ofisi ya Setheo ya Kemonokeng ya Patlisiso le mafelo a patlisiso a tlamela babatlisisi ka kemonokeng ya patlisiso, e ka bokhutshwane e akaretsang dikhoso tsa go tokafatsa bokgoni
jwa akatemi jwa go kwala dipego; go direla babatlisisi ditirelo tsa botseleganyi le tsa thanolo, go direla babatlisiso tirelo ya tsa puisano ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng.
Lefapha la Dipuo, jaaka nngwe ya ditiro tsa lone tsa botsamaisi jwa go dirwa ga tiro, le sikara boikarabelo jwa nako e khutshwane, e e mo magareng le nako e telele jwa go akarediwa
ga go dira gore dipuo tse di farologaneng e nne tsa thutego e e kwa godimo jaaka mekgele e e tlang pele e e ipeetsweng ke YBB mme e dira tiro eno ka go tlisa tlhabololo e bile e
akaretsa bomankge botlhe mo dikhamphaseng tse di farologaneng go dira gore YBB e nne yunibesiti e e etelelang pele ya dipuo tse di dirisiwang mo setheong. (Cf Mokgwa-Tsamaiso
9.3.4.B wa mmepe wa tlhaloganyo wa dikgonagalo ka ga seno. Leba gape Mokgwa-Tsamaiso 9.1.4.B ka ditsela tsa go tokafatsa boemo jwa Setswana le jwa Sesotho kwa YBB. )
DITAELO TSA PHOLISI YA PUO
1.
Pholisi ya puo ya botshelo jo bo rulagantsweng jwa baithuti ke yone e tlhodileng dipharologano tseno ka tsela e e latelang: mo lefelong le go dirisiwang dipuo tse di farologaneng
tsa tiro mo go lone, pholisi ya puo e tlamela ka go sirelediwa ga ditshwanelo tsa puo tsa baithuti, go kgona go bona ga yone ke baithuti gore ba kgone go nna le seabe ka botlalo
mo botshelong jwa baithuti, e bile e ela tlhoko gore puisano fa gare ga mafapha a maemo a a farologaneng kwa dikhampaseng e akanyetsa dipalopalo tsa dipuo tse di
farologaneng le dipuo tse go eletswang gore go dirisiwe tsone.
2.
Go tlhamiwa ditshono tsa go thusa baithuti ka ditsela tse di mosola gore ba lootse le go tokafatsa dikgono tsa bone tsa seporofešenale tsa puo.
LEANO-PUO LA GO SIMOLOLA BOTSHELO JO BO RULAGANTSWENG JWA BAITHUTI KA DIPUO TSE DI FAROLOGANENG TSA TIRO
1.
Go kgaoganya baithuti ka ditlhopha tsa dipuo le go ba naya ditirelo tse ba di tlhokang malebana le dipuo tseo go bopa motheo wa go tlhopha ga bone puo malebana le dipuisano
magareng ga batho ba maemo a a lekanang mo botshelong jo bo rulaganeng sentle jwa baithuti kwa dikhampaseng tse di farologaneng tsa YBB.
2.
Mo khampaseng nngwe le nngwe, go tlhophiwa leloko la CSRC le le berekang mo teng ga setheo gore le nne mmueledi wa dikgang tsa baithuti tse di amanang le puo fa gare ga
Lefapha la Puo le CSRC ya khampase eo.
3.
Ka ntlha ya maemo a a farologaneng a mo khampaseng le go ikaega ka dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba ba e buang tsa khampase nngwe le nngwe, SRC ya khampase nngwe
le nngwe e sikara boikarabelo jwa go dira gore go nne le tlwaelo ya tiriso ya dilo tsa puo tse di tlhokwang ke ba ba e buang mo khampaseng e ba leng mo go yone.
4.
Seabe se se botlhokwa se Ofisi ya Mekgele ya Tiiro e nang le sone sa go baakanyetsa baithuti tiro, gape e okamela bokgoni jwa go kwalwa ga di-CV le jwa dipotsolotso ka
Seesemane. Go tlhomiwa ga ditšhapotara tsa di-Toastmasters Int. mo dikhamphaseng tsotlhe go thusa ka go tokafatsa bokgoni jwa go neela puo le go bua fa pele ga bareetsi.
GO TSENNGWA TIRISONG GA PHOLISI YA PUO & LEANO-PUO LA BOTSHELO JO BO RULAGANTSWENG JWA BAITHUTI
1. Go rotloediwa ga tiriso ya dipuo tse di farologaneng go dirwa ka ditsela tse di sa tshwaneng mo dikhampaseng mme ofisi nngwe le nngwe ya SRC e dira tiro ya botsamaisi jwa dipuo le
ya dilo tse di botlhokwa tse di tshwanetseng go dirwa pele fa e sa ntse e tshwere marapo mo tirong eno.
2. Go dirisiwa ga ditshitshinyo tseno go farologana go ya ka dikhampase. Mo ntlheng eno, go sirelediwa ga ditshwanelo tsa puo tsa baithuti ba dipuo tse di farologaneng kwa YBB go dira
gore ba simolole go nna le puisano le mafapha a maemo a a farologaneng mo botshelong jo bo rulaganeng sentle jwa baithuti. (Cf P Mokgwa-Tsamaiso 9.4.4.A)
3. Go na le puisano e e tswelelang pele fa gare ga Lefapha la Dipuo le botshelo jo bo rulagantsweng jwa baithuti. Boikaelelo jwa thulaganyo eno ke go bona ditsela tse di di gaisang
tsotlhe tsa go tlhoma lefelo le le akaretsang botlhe le go ba amogela la tiriso ya dipuo tse di farologaneng mo khampaseng nngwe le nngwe. Go tshwarwa kopano ya semmuso ngwaga
le ngwaga kwa tshimologong ya kgwedi ya Lwetse, go akaretsa le ILD, Senthara ya Mekgele ya Tiro le di-CSRC tse di sa tswang go tlhomiwa bošeng. Boikaelelo jwa seno ke go
dumalana ka tsela e ka yone kamano fa gare ga mafapha ano e tshwanetseng go laolwa ka yone ya lobaka lwa tiro lwa baithuti ba ba nang le maikarabelo.
Mafikeng
•
Le fa Seesemane se dirisiwa jaaka puo e e dirisiwang
thata mo thulaganyong ya botshelo jo bo
rulagantsweng jwa baithuti, Setswana le sone se
dirisiwa thata ka tsela e e tshwanang. CRSWC e
tswelela pele go batlana le ditsela le mekgwa e ka
Potchefstroom
•
Le fa Aforikanse e le yone ya konokono jaaka puo e go
buisanwang gongwe le gongwe ka yone mo botshelong
jo bo rulagantsweng jwa baithuti, CSRC e batlana le
ditsela tse ka tsone ditshono tse di tlhagisiwang ke tiriso
ya dipuo tse di farologaneng ga setlhopha sa baithuti di
Khutlotharo ya Lekwa
•
Le fa Seesemane se dirisiwa jaaka puo e go buisanwang
thata ka yone mo thulaganyong ya botshelo jo bo
rulagantsweng jwa baithuti, Sesotho le Aforikanse le
tsone di dirisiwa thata ka tsela e e tshwanang. CRSWC
e tswelela pele go batlana le ditsela le mekgwa e ka
10
•
yone ditshono tse di tlhagisiwang ke tiriso ya dipuo tse
di farologaneng tsa setlhopha sa baithuti di ka
dirisiwang ka gone go dira gore baithuti ba nne
seoposengwe.
Puisano fa gare ga mafapha a maemo a a
farologaneng e tshwarwa ka tiriso ya dipuo tse di
farologaneng. Ditokomane tsa pholisi le tsa tsamaiso
di dirwa ka Seesemane le ka Setswana. Dikokoano
tsa dikgato-kgalemo le ditsheko tsa boatlhodi
kgatlhanong le baithuti di tshwarwa ka puo e motho yo
e butsweng kgatlhanong le ene a e tlhophileng.
•
ka dirisiwang ka gone go dira gore baithuti ba nne
seoposengwe.
Puisano fa gare ga mafapha a maemo a a farologaneng
e tshwarwa ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng.
Ditokomane tsa pholisi le tsa tsamaiso di dirwa ka
Seesemane le ka Setswana. Dikokoano tsa dikgatokgalemo le ditsheko tsa boatlhodi kgatlhanong le
baithuti di tshwarwa ka puo e motho yo e butsweng
kgatlhanong le ene a e tlhophileng.
•
yone ditshono tse di tlhagisiwang ke tiriso ya dipuo tse di
farologaneng tsa setlhopha sa baithuti di ka dirisiwang ka
gone go dira gore baithuti ba nne seoposengwe.
Puisano fa gare ga mafapha a maemo a a farologaneng
e tshwarwa ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng.
Ditokomane tsa pholisi le tsa mokgwa-tsamaiso di
kwalwa ka Seesemane, Aforikanse le ka le Sesotho.
Dikokoano tsa dikgato-kgalemo le ditsheko tsa boatlhodi
kgatlhanong le baithuti di tshwarwa ka puo e motho yo e
butsweng kgatlhanong le ene a e tlhophileng.
11
9.5
PHOLISI
YA PUO
9.5.1
PHOLISI
YA PUO
9.5.2
PHOLISI
YA PUO
9.5.3
GO E
TSENYA
TIRISON
G
9.5.4
GO ITHUTA PUO, GO TOKAFATSA POUO LE BOLENG JWA GO DIRISA PUO
MELAOMETHEO YA PHOLISI YA PUO
1.
Ka maiteko a go tokafatsa bokgoni jwa tiriso ya dipuo tse di farologaneng ga badiri le baithuti, go na le mafapha mo YBB yotlhe a boikaelelo jwa one e leng go tokafatsa bokgoni
jwa motho ka bongwe jwa tiriso ya dipuo tse di farologaneng mo lefelong la baithuti la akatemi le la tsamaiso.
2.
Boleng jwa go dirisa puo – ka go e bua le ka go e kwala – e botlhokwa mo YBB, mo go rayang gore diaelo di le mmalwa tse di dirang di a tlhokega go lekanya le go kaela
ditekanyetso tsa puo e e tshwanelegelang go dirisiwa mo Yunibesiting.
DITAELO TSA PHOLISI YA PUO
1.
Badiri le baithuti ba rotloediwa go godisa bokgoni jwa bone jwa tiriso ya dipuo tse di farologaneng gore ba kgone go dira ka tsela e e nang le matswela mo ditirong tse di
farologaneng. Go rutwa ga dikhoso tsa go ithuta puo le go tokafatsa puo go a dirwa kwa dikhamphaseng tse di farologaneng tsa YBB, e bile badiri le baithuti ba rotloediwa go
ikwadisetsa dikhoso tseno. Badiri ba ba thusang badirelwa-ditirelo ba ba gorogang mo mafelong otlhe a go ba thusa ba tshwanetse go nna le bokgoni jwa go bua dipuo tse di
farologaneng.
2.
Setheo se na le dithuto tsa go tseleganya puo le tsa ditirelo tsa go ranola. Lefapha la Puo. Gape ditirelo tseno di rutwa ke Dikolo dingwe tsa Puo kwa dikhampaseng. Maloko a
badiri a rotloediwa go dirisa ditirelo tseno. Lefapha la Dipuo la Setheo le na le boikarabelo jwa go baya leitlho le go sekaseka boleng jwa tiriso ya dipuo ka kakaretso kwa YBB le go
tlhama mekgwa-tsamaiso e e tshwanetseng e ka yone boleng jwa tiriso ya puo kwa YBB e leng jwa maemo a a tshwanetseng.
LEANO-PUO LA GO SIMOLOLA THUTO, TOKAFATSO LE BOLENG JWA DIPUO TSE DI FAROLOGANENG
1.
Go ithuta puo le go tokafatsa puo
•
Batlamela ka ditirelo mo dikhampaseng tsotlhe tsa YBB le IO ba tshwanetse go tlhama dikhoso tsa ditaelo tsa go ithuta puo le tsa go tokafatsa puo, ka tsela e e rulaganeng sentle
le tse di kgonang go dirisiwa.
•
Pono e e rulagantsweng sentle ya tsone e tshwanetse go nna e e theilweng mo go tlhokegeng ga bokgoni jwa dipuo tsa Se-Aforika mo mananeong a thuto a akatemi a a nang le
ditirelo – tse di jaaka diporofešene tsa kalafi, tirelo-loago, molao, thuto. Go na le mabaka a a utlwalang a go tsenya dikhoso tsa go ithuta puo mo mananeong ano a thuto jaaka
karolo e e botlhokwa thata ya tsone.
•
Bokgoni ka kakaretso jwa baalogi jwa Seesemane kwa YBB bo bo tlhoka go tokafadiwa. Mo godimo ga diporojeke mo kharikhulamong ya kgolo e boikaelelo jwa yone e leng go
tokafatsa bokgoni jwa seporofešenale jwa Seesemane (cf Ser se se fetileng sa 9.4.3.4) go dirwa ditshitshinyo tse di latelang: mo semesetareng ya bofelo ya dithutego tsa pele ga
kalogo kgotsa lenaneong la thuto la onase, baithuti ba rotloediwa go baakanyetsa dipuo tsa bone le go di neela mo tlelaseng ka Seesemane. Gape go dirwa ditshitshinyo tsa gore
dikabelotiro di lekolwe ka tsela e e gagametseng go ya ka ditaelo tsa kgatiso ya across-the-curriculum.
•
Go lebeletswe gore baithuti ba ba nnang le seabe mo tirong ya Go Nna le Seabe mo Baaging kgotsa mo diporojekeng tsa Thuto-Tiro-e-e-Kopantsweng ba nne le bokgoni jwa
motheo jwa puo e e buiwang mo baaging bao ba dirang ditirelo mo gare ga bone. Ka ntlha ya seno, ba tshwanetse go tsenela khoso ya bokgoni jwa motheo jwa puo e e buiwang
mo gare ga baagi bao.
•
Go tshitshinngwa gore dikhoso tsa bokgoni jwa motheo jwa puo ka Setswana, Sesotho le ka Aforikanse di nne karolo ya kharikhulamo ya Akatemi ya Boeteledipele le gore
dimmenejara tsotlhe di tshwanetse go tsenela nngwe ya dikhoso tseno tsa go ithuta puo tse di ntshediwang Setefikeiti.
2.
Boleng jwa tiriso ya puo
•
Ka thulaganyo ya go gakololana e e etelelwang pele ke ILD, melawana ya YBB ya ga jaanong ya go dirisa puo e tshwanetse go tlhabololwa gangwe morago ga dingwaga di le pedi
, di bo di gatisiwa le go tsenngwa tirisong. Melao eno ya go dirisa puo e thaya motheo wa dikai tsotlhe tsa puisano ya semmuso (diforomo, makwalo, ditlhatlhobo le dipampiri tsa
tlhatlhobo, jj) kwa YBB.
•
Go tshwanetse ga bo go na le dithulaganyo tsa go lekanya boleng tsa gore boleng jwa go dirisa puo bo bewe leitlho kwantle ga go kgaotsa mo dipampiring tsa tlhatlhobo, mo
dibuka-kaelong tsa thuto le mo ditokomaneng tse dingwe tsa semmuso kwa YBB.
GO TSENNGWA TIRISONG GA GO SIMOLOLWA GA THULAGANYO YA LEANO-PUO YA GO ITHUTA PUO, GO TOKAFATSA PUO LE PUISO-KWALO YA AKATEMI
1.
Go ithuta puo le go tokafatsa puo
•
Go tshwanetse ga simololwa thulaganyo e e rulagantsweng sentle e e amang bana-le-seabe botlhe (jaaka di ILD, baokamedi ba lenaneo le le khutshwane la thuto, Dikolo Tsa
Thuto) tse boikaelelo jwa tsone e leng go tlhama le go kaela go tsenngwa tirisong ga thulaganyo ya dingwaga di le tlhano ya mo khampaseng yotlhe go tokafatsa fela thata bokgoni
jwa tiriso ya dipuo tse di farologaneng ga badiri le baithuti. (Cf Mokgwa-tsamaiso 9.5.4.A – tshobokanyo e e tswang mo bobolokelo-tshedimosetso jwa Khoso e Khutshwane go
simolola ka 2012 e e bontshang khoso e khutshwane ya ga jaanong ya go ruta puo).
Boleng jwa tiriso ya puo
2.
•
Dithulaganyo tse ditokomane di tlhagisiwang ka tsone di tshwanetse go nna tse di bolokang boleng jwa puo jwa ditokomane tseno bo le mo maemong a jone e bile go tshwanetse
12
•
ga bo go na le thulaganyo ya go laola boleng jwa tsone gore go ngaparelwe ditekanyetso tse puo e dirisiwang ka tsone. (Ikgolaganye le ILD mo mabakeng otlhe go tlhama
mokgwa o o dirang o o o itlhophetseng.)
ILD e tla tswelela pele go sikara boikarabelo jwa thulaganyo ya go gakololana ya go kwala melao ya YBB ya go dirisa puo le go e tsenya tirisong. Gape e na le boikarabelo jwa go
baya leitlho boleng ka kakaretso jwa tiriso ya puo mo YBB le go bo lekola.
Bokhutlo
13
DINTLHA-TLALELETSO
MEKGWA-TSAMAISO E E TSHITSHINTSWENG YA GO TSENYA TIRISONG DIKAROLO TSA KONOKON TSA PHOLISI YA
PUO YA SETHEO
Diteng
Go Ruta le go Ithuta & Tekolo
Mokgwa-Tsamaiso
9.1.4.A
Dikaelo tse di tshwanetseng go latelwa tsa go atolosa Ditirelo Tsa go Toloka
Tsa Thuto mo mananeong a thuto
I – Ditekanyetso tse di beetsweng go atolosiwa ga EIS
II – Thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa ya go akaretsa lenaneo le leša
la thuto fa go rutwa EIS
Lefelo la tiro, la tsamaiso le dipuo tse di
dirisiwang thata mo setheong
Patlisiso & tlhabololo
Botshelo jo bo rulagantsweng jwa
baithuti
Mokgwa-Tsamaiso
9.1.4.B
Dikaelo tsa ditlhopha tsa botsamaisi tsa khampase tsa go tokafatsa tiriso ya
Setswana le Sesotho ya go ruta le go ithuta le go dira dilo tse dingwe
Mokgwa-Tsamaiso
9.1.4.C
Dikaelo Tsa go buisana ka dipuo tse di farologaneng mo lenaneong la go
ruta le go ithuta
Mokgwa-Tsamaiso
9.1.4.D
Setshwantsho-thalo se se bontshang dikgato tse di farologaneng tsa
thulaganyo ya puo ya motlhankedi yo o reetsang le go rarabolola
dingongorego ka puo
Mokgwa-Tsamaiso
9.2.4.A
Setshwantsho-thalo se se bontshang dikgato tse di farologaneng sa go
tlamela ka dilo tsa puo tse di farologaneng tse di tlhokwang ke ba ba e
buang kwa dikopanong tsa YBB
Mokgwa-Tsamaiso
9.2.4.B
Dipolelwana tsa semmuso ka dipuo tse di farologaneng tse di tshwanetseng
go dirisiwa ka meletlo ya kalogo ya YBB
Mokgwa-Tsamaiso
9.2.4.C
Dikaelo tsa thanolo ya ditokomane tse go tshwanetseng ga tlotlwa ka tsone
kwa dikopanong tsa setheo ka puo e sele kwantle ga e e buiwang mo
khamphaseng
Mokgwa-Tsamaiso
9.3.4.A
Dikaelo tsa thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa ya go akarediwa ga
ditshobokanyo tsa dipuo tse di farologaneng mo dipegong tse di
kwadilweng ka serutwa tsa YBB
Mokgwa-Tsamaiso
9.3.4.B
Mmepe wa tlhaloganyo wa dikgonagalo ka kgopolo ya YBB e e leng
yunibesiti e e etelelang pele ya tiriso ya dipuo tse di farologaneng
Mokgwa-Tsamaiso
9.4.4.A
Dikaelo tse ka tsone go ka tlhomamisiwang puisano fa gare ga mafapha a
maemo a a farologaneng mo lefelong la baithuti la tiriso ya dipuo tse di
14
farologaneng tsa tiro.
Go ithuta puo, go tokafatsa puo & tiriso
ya boleng jwa puo
Mokgwa-Tsamaiso
9.5.4.A
Dikhoso tse di khutshwane tse di kwadisitsweng tsa go ruta puo tse ga
jaanong jaana di rutwang ke YBB
15
GO RUTA LE GO ITHUTA MMOGO LE GO
DIRA TEKOLO
MOKGWA-TSAMAISO 9.1.4.A:
I – Ditekanyetso tse di beetsweng go atolosiwa ga
16
II – Thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa ya go akaretsa lenaneo le leša la thuto fa go rutwa EISI
17
MOKGWA-TSAMAISO 9.1.4.B
Dikaelo tsa ditlhopha tsa botsamaisi tsa khampase tsa go tokafatsa tiriso ya Setswana le Sesotho ya go ruta le go ithuta le go dira dilo tse
dingwe
18
MOKGWA-TSAMAISO 9.1.4.C
19
MOKGWA-TSAMAISO 9.1.4.D
Setshwantsho-thalo se se bontshang dikgato tse di farologaneng tsa thulaganyo ya puo ya motlhankedi yo o reetsang le go rarabolola
dingongorego ka puo
20
LEFELO LA TIRO, LA TSAMAISO LE DIPUO
TSE DI DIRISIWANG THATA MO SETHEONG
MOKGWA-TSAMAISO 9.2.4.A
Setshwantsho-thalo se se bontshang
dikgato tse di farologaneng sa go tlamela ka
dilo tsa puo tse di farologaneng tse di
21
MOKGWA-TSAMAISO 9.2.4.B
Dipolelwana tsa semmuso ka dipuo tse di farologaneng tse di tshwanetseng go dirisiwa ka meletlo ya kalogo ya YBB
Khamphase ya Mafikeng le ya Potchefstroom
Go tlhoma
phuthego
Go abiwa ga
didikirii
Go fedisa
phuthego
English
By the authority vested in me, I hereby constitute this meeting as a lawful congregation of the North-West University.
Afrikaans
Kragtens die bevoegdheid aan my verleen, stel ek hierdie vergadering saam as ‘n wettige kongregasie van die NoordwesUniversiteit.
Setswana
Ka taolo ya boikarabelo jo ke bo sikarisitsweng, ke tlhoma kopano eno go nna phuthego ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima
English
By the authority vested in me, I hereby confer the following degrees upon the candidates whose names appear in the
programme.
Afrikaans
Kragtens die bevoegdheid aan my verleen, ken ek die onderskeie grade toe aan daardie kandidate wie se name in die program
verskyn.
Setswana
Ka taolo ya boikarabelo jo ke bo sikarisitsweng, ke abela baithuti ba maina a bone a tlhagang mo porokeramong eno didikerii
tse di latelang.
English
By the authority vested in me, I dissolve this congregation of the North-West University.
Afrikaans
Kragtens die bevoegdheid aan my verleen, ontbind ek hierdie kongregasie van die Noordwes-Universiteit.
Setswana
Ka taolo ya boikarabelo jo ke bo sikarisitsweng, ke fedisa phuthego eno ya Bokone-Bophirima.
Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa
Go tlhoma
phuthego
Go abiwa ga
didikirii
Go fedisa
phuthego
English
By the authority vested in me, I hereby constitute this meeting as a lawful congregation of the North-West University.
Afrikaans
Kragtens die bevoegdheid aan my verleen, stel ek hierdie vergadering saam as ‘n wettige kongregasie van die NoordwesUniversiteit.
Sesotho
Ka matla a taolo eo ke e filweng, ke hlomamisa kopano ena e le kopano ya semolao ya Yunivesithi ya Leboya-Bophirima.
English
By the authority vested in me, I hereby confer the following degrees upon the candidates whose names appear in the
programme.
Afrikaans
Kragtens die bevoegdheid aan my verleen, ken ek die onderskeie grade toe aan daardie kandidate wie se name in die program
verskyn.
Sesotho
Tlasa taolo e matsohong a ka, ke fana ka kgau tsa ditekiri ho bahlahlobuwa bao mabitso a bona a hlahellang lenaneng la
tsamaiso.
English
By the authority vested in me, I dissolve this congregation of the North-West University.
Afrikaans
Kragtens die bevoegdheid aan my verleen, ontbind ek hierdie kongregasie van die Noordwes-Universiteit.
Sesotho
Tlasa taolo e matsohong a ka, ke qhala seboka sena sa Yunivesithi ya Leboya-Bophirima.
22
MOKGWA-TSAMAISO 9.2.4.C
Dikaelo tsa thanolo ya ditokomane tse go tshwanetseng ga tlotlwa ka tsone kwa dikopanong tsa setheo ka puo e sele kwantle ga e e buiwang
mo khamphaseng
23
PATLISISO & TLHABOLOLO
MOKGWA-TSAMAISO 9.3.4.A
Dikaelo tsa thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa ya go akarediwa ga ditshobokanyo tsa dipuo tse di farologaneng mo dipegong tse di
kwadilweng ka serutwa tsa YBB
24
MOKGWA-TSAMAISO 9.3.4.B
Mmepe wa tlhaloganyo wa
dikgonagalo ka kgopolo ya
YBB e e leng yunibesiti e e
etelelang pele ya tiriso ya
dipuo tse di farologaneng
25
BOTSHELO JO BO
RULAGANTSWENG JWA
BAITHUTI
Mokgwa-Tsamaiso 9.4.4.A
Dikaelo tse ka tsone go ka
tlhomamisiwang puisano fa
gare ga mafapha a maemo a a
farologaneng mo lefelong la
baithuti la tiriso ya dipuo tse
di farologaneng tsa tiro.
26
GO ITHUTA PUO, GO TOKAFATSA PUO, BOLENG JWA PUO
Mokgwa-Tsamaiso 9.5.4.A
Dikhoso tse di khutshwane tse di kwadisitsweng tsa go ruta puo tse ga jaanong jaana di rutwang ke YBB
Mmenejara wa khoso e
khutshwane
Palo ya
dikarolo
tsa
khoso
Diura
tsa go
ithuta
tse di
senang
dikarolo
tsa
khoso
Mophato
wa NQF
Letlha la
kamogelo:
10
5
2003-03-08
32
5
2003-05-26
Nnyaa
Khamphase
Legoro
Sekolo / Yuniti
Leina la khoso e khutshwane
5
PC
L&W
Tale (Sentrum
vir Taalpraktyk)
Van der Walt, JL Mop
6
PC
L&W
Van der Walt, JL Mop
27
VC
VTF
Tokafatsa Seesemane sa gago
Van den Heever, Jeanette
30
PC
L&W
16
PC
L&W
Van der Walt, JL Mop
32
5
2004-08-06
60
VC
VTF
Setefekeiti sa go Ruta Seesemane jaaka Puo ya Naga e
Sele (TEFL)
Setefekeiti sa Yunibesiti ka Seesemane go dirisiwa mo
maemong a seporofešenale (ENGL 114 en 124) = ENGL
122
Matseno a Sesotho
Van der Walt, JL Mop
37
Tale (Sentrum
vir Taalpraktyk)
Yuniti ya go
Tlhabolola
Bokgoni
Tale (Sentrum
vir Taalpraktyk)
Tale (Sentrum
vir Taalpraktyk)
Setefikeiti sa motheo sa Seesemane ka puo ya Go Ruta
le go Ithuta kgotsa language of Teaching and Learning
(LOLT)
Seesemane go dirisiwa mo maemong a seporofešenale
Van den Heever, Jeanette
8
2
2005-05-04
61
VC
VTF
Thanolo e e kgethegileng:
sekerining
Van den Heever, Jeanette
20
6
2005-05-04
94
VC
VTF
Katiso ya Thanolo le go Toloka
Van den Heever, Jeanette
5
6
2005-06-23
294
PC
L&W
Seesemane sa Dithuto Tsa Boditšhabatšhaba
Van der Walt, JL Mop
400
5
2006-06-29
295
PC
L&W
Seesemane se se Buiwang
Van der Walt, JL Mop
20
5
2006-06-29
296
PC
L&W
Setswana sa ba ba simololang go se ithuta
Van der Walt, JL Mop
20
5
2006-06-29
319
VC
VTF
Khoso ya tlhamane e e nang le bokgoni le ya Mokwalo
wa mosepele
Van den Heever, Jeanette
8
5
2006/09/01
320
VC
VTF
Bokgoni jwa maemo a a kwa godimo jwa go dirisa
khomphiutha ga baranodi
Van den Heever, Jeanette
8
6
2006-09-01
321
VC
VTF
Khoso ya go tseleganya khopi
Van den Heever, Jeanette
8
6
2006-09-01
Yuniti ya go
Tlhabolola
Bokgoni
Yuniti ya go
Tlhabolola
Bokgoni
Yuniti ya go
Tlhabolola
Bokgoni
Tale (Sentrum
vir Taalpraktyk)
Tale (Sentrum
vir Taalpraktyk)
Tale (Sentrum
vir Taalpraktyk)
Yuniti ya go
Tlhabolola
Bokgoni
Yuniti ya go
Tlhabolola
Bokgoni
Yuniti ya go
Tlhabolola
Thanolo ya mafoko mo
2004-04-29
2004-05-28
27
Bokgoni
355
VC
VTF
430
IO
IO
475
PC
L&W
476
PC
L&W
552
PC
L&W
Yuniti ya go
Tlhabolola
Bokgoni
Lefapha la Puo
Sentrum vir
A&P
Taalpraktyk
Sentrum vir
Akademiese en
Professionele
Taalpraktyk
Skool vir Tale
Thanolo ya setegeniki
Van den Heever, Jeanette
5
Matseno a go toloka
Blaauw, J Rre
8
Se-Spain sa Ba Ba Simololang go se Ithuta
Van der Walt, JL Mop
30
Aforikanse ya Ba Ba Simololang go e Ithuta
Van der Walt, JL Mop
40
Sejeremane sa ba ba simololang go se ithuta / Duits vir
Beginners
Van der Walt, Johann Mop
30
5
6
2007-05-11
5
2008-03-11
5
2008-09-10
5
2008-09-10
2009-11-05
28